Listen

Description

Kana fa lo dirafatsa tlhogo ya molao ka fa Lokwalong e e reng: “Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata,” lo tla bo lo dira sentle. Mme fa lo gobelelela batho, lo dira boleo, lo supediwa ke molao gore lo batlodi. Gonne le fa motho a ka tshegetsa molao otlhe, mme a tlola taolo e le nngwe fela, o molato mo go ona otlhe. Gonne ene yo o buileng a re: “O se ka wa dira boaka,” e bile o rile: “O se ka wa bolaya.” Jaanong fa o sa dire boaka, mme o bolaya, o motlodi wa molao.
JAKOBO 2:8‭-‬11