Jaanong lona ba lo reng: “Kajeno gongwe kamoso re tla ya kwa motseng wa bolebelebe, re dika ngwaga teng, re rekisa, re bapala.” Lona ba lo sa itseng tsa kamoso, botshelo jwa lona ke eng? Kana lo mouwane fela o o a tleng o bonale ka sebakanyana fela, o tloge, o nyelele. Etswe lo ka bo lo re: “Fa Morena a rata, re tla phela, re dira se kampo se.” Mme jaanong lo ipelafatsa ka maikgantsho a lona. Boipelafatso bongwe le bongwe jo bo ntseng jalo bo bosula.
JAKOBO 4:13-16 TSW70