Listen

Description

Loleme le lone ke molelo; loleme lo itshupa mo gare ga ditokololo tsa rona e le lefatshe la tshiamololo, e le lo lo kgotlelang mmele otlhe, lo tshuba tsamao yotlhe ya botshelo, lo tshujwa ke molete wa molelo. Kana diphologolo le dinonyane le digagabi le ditshedi tsa lewatle, le fa e le tsa mofuta ofe, di a kgwabofadiwa, di bile di setse di kgwabofaditswe ke tlhaloganyo ya motho. Mme loleme lone, ga go motho ope yo o ka kgonang go lo kgwabofatsa; ke bosula jo bo huduegang, lo tletse botlhole jo bo bolayang. Re baka Modimo Rara ka lone, re bile re hutsa batho ka lone ba ba bopilweng ka fa setshwanong sa Modimo. Tshegofatso le khutso di tswa mo molomong o le mongwe fela. Ba ga etsho, tseo ga di a tshwanela go nna jalo. A motswedi o a tle o tswele metsi a a botshe le a a bogalaka mo leitlhong le le lengwe fela? Ba ga etsho, a mofeie o ka ungwa diolefa, gongwe moweine wa ungwa difeie? Fela jalo motswedi wa metsi a a letswai ga o ka ke wa tswela metsi a a monate.
JAKOBO 3:6‭-‬12