Listen

Description

Mme lona lo tlotlolotse mohumanegi. A ga se bahumi ba ba lo patikang, ba ba lo gogelang kwa makgotleng a tsheko? A ga se bone ba ba kgalang leina le lentle le lo biditsweng ka lone? Kana fa lo dirafatsa tlhogo ya molao ka fa Lokwalong e e reng: “Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata,” lo tla bo lo dira sentle. Mme fa lo gobelelela batho, lo dira boleo, lo supediwa ke molao gore lo batlodi.
JAKOBO 2:6‭-‬9 TSW70