Re tswelela go keteka tswelelopele ya motho montsho le mosha wa dingwaga di le masome a mabedi le borataro/26 yo a dirang ngwaga wa bofelo kwa univesithing ya Limpopo e bile a ithutela BCom Accounting mme gajaana e le motlhami wa Urban Legae Poultry kwa Dalmada kwaa ntlenyana ga Polokwane. O tshimolotse ka dikgogo di le 2000 fela gajaana o thapile badiri ba le babedi ba le ruri.